Statutes section 43
Section 43
In force date not confirmed
43. (1) (a) Komiti ya Tlhokomelo e tshwanetse go kopana kgapetsakgapetsa fa go tlhokega go dira ditiro tsa yona.
(b) Khonferense ya kutlo kgotsa kutlopono magareng ga bontsi jwa maloko a Komiti ya Tlhokomelo, e e kgontshang leloko lengwe le lengwe le te tsayang karolo go utlwa le go utlwelelwa ke mongwe le mongwe wa maloko a mangwe a a tsayang karolo, e tshwanetse go tsewa jaaka kopano ya Komiti ya Tlhokomelo, e bile leloko lengwe le lengwe le te tsayang karolo le tshwanetse go tsewa jaaka fa le te teng kwa kopanong eo.
(2) Dikopano tsa Komiti ya Tlhokomelo di tshwarwa ka nako le, ntle le moo karolotaleletso (1)(b) e diragatswang, kwa mafelong a a tlhomamisitsweng ke Mmusisi.
(3) Khoramo ya kopano ya Komiti ya Tlhokomelo ke bontsi jwa maloko a yona.
(4) (a) Mmusisi o okamela dikopano tsa Komiti ya Tlhokomelo tse a leng teng mo go tsona.
(b) Fa Mmusisi a se teng kwa kopanong, Motlatsammusisi, yo mongwe yo e seng Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga, yo o supilweng ke Mmusisi kgotsa yo o tlhophilweng go ya ka tsamaiso e e tlhomamisitsweng ke Mmusisi, o okamela kopano.
(5) Mmusisi kgotsa Motlatsammusisi yo o okametseng kopano ya Komiti ya Tlhokomelo o ka laletsa kgotsa letla motho mongwe le mongwe, go akaretsa le kemedi ya Bothati jwa Boitshwaro a Lephata la Ditshelete kgotsa Bolaodi jwa Bosetshaba jwa Sekoloto, go tla kopanong ya Komiti ya Tlhokomelo, fela motho yo o laleditsweng ga a na tshwanelo ya go tlhopha kwa kopanong.
(6) Maloko a ka laola ditsamaiso kwa dikopanong tsa Komiti ya Tlhokomelo jaaka ba bona go le maleba.
(7) Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga o tshwanetse go netefatsa gore metsotso ya kopano e gatiswa ka mokgwa o o rebotsweng ke Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga.
## Ditshwetso tsa Komiti ya Tlhokomelo