Fickle

Statutes section 44

Section 44

In force date not confirmed

44. (1) (a) Tshitsinyo e e dirilweng kwa kopanong ya Komiti ya Tlhokomelo e nna tshwetso ya komiti e e kailweng fa bontsi jwa maloko a a tlileng kopanong, kgotsa a a tseetsweng go nna teng kwa kopanong, le ao a ka tsayang karolo mo tshekatshekong ya tshitsinyo, a boutela tshitsinyo.

(b) Mo lebakeng la fa diboutu tsa tshitsinyo di lekana, motho yo o okametseng kopano o dira boutu ya makgaolakgang mo godimo ga boutu ya tlwaelo.

(2) Komiti ya Tlhokomelo e ka, go tsamaelana le ditsamaiso tse di tlhomamisitsweng ke komiti e e kailweng, dira tshwetso ka ga tshitsinyo kwa ntle ga kopano ya komiti.

(3) Tshwetso ya Komiti ya Tlhokomelo ga e tlhoke kamogelesego fela ka ntlha ya gore

(a) go nnile le phatlatiro mo ofising ya leloko fa tshwetso e ne e tsewa; kgotsa

(b) motho yo o neng e se leloko o tsere karolo mo tshwetsong, fa fela motho yoo a sa bouta.

## Puso le dikomititaleletso tse dingwe