Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 50

Section 50

In force date not confirmed

50. (1) Bothati jwa Tlhokomelo bo tshwanetse go tlhomamisa badiri, marobalo, didiriswa, tiriso ya dithoto, ditlamelwana le ditirelo tse dingwe tseo bo batlang gore di 5 dire ka nonofo.

(2) Bothati jwa Tlhokomelo bo ka—

(a) tsena mo dithulaganyong tsa go tlatsa mabapi le batho;

(b) go thapa batho jaaka bakonteraka go na le jaaka badiri;

(c) go tsena mo dikonterakeng;

(d) go reka le go rekisa thoto;

(e) go inšora kgatlhanong le ditatlhegelo, ditshenyegelo, kotsi kgotsa molato eo bo ka lebaganang le yona kgotsa ba nna le yona; le

(f) go dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go dira ditiro tsa jona.

(3) Bothati jwa Tlhokomelo bo ka se tsene mo thulaganyong ya go tlatsa mabapi le 15 motho, kgotsa go tsenya batho mo konterakeng, ntle le fa motho le Bothati jwa Tlhokomelo ba dumalane ka go kwala ka—

(a) ditekanyetsotiro tse di tla diriswang go lekanyetsa tiro ya motho yoo; le

(b) boemo jwa tiro jo bo tshwanetseng go fitlhelelwa kgatlhanong le ditekanyetso tseo.

## Ditlamelo tse di tlamelwang ke Banka ya Resefe