Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 61

Section 61

In force date not confirmed

61. (1) Tona o tshwanetse go thapa motho yo o nang le boitseanape jo bo maleba mo lephateng la ditshelete jaaka Khomisenara wa Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete.

(2) Tona o tshwanetse go thapa bonnye batho ba le babedi, mme e seng go feta ba le bane, ba ba nang le boitseanape jo bo maleba mo lephateng la ditshelete jaaka Batlatsakhominenara.

(3) Khomisenara le Batlatsakhominenara ba dira mo maemong a nako e tletseng a khuduthamaga.

(4) Kgato ya go tlhopha batho ba ba tla thapiwang jaaka Khomisenara kgotsa batlatsakhomisenara e ka kaelwa ka Molawana.

(5) (a) Khomisenara o ka thapa Motlatsakhomisenara go tshwara marapo nakwana 20

jaaka Khomisenara fa Khomisenara a seyo mo ofising.

(b) Fa Khomisenara a sa kgone go thapa Khomisenara wa nama-o-tshwere go ya ka temana (a), kgotsa fa go na le phatlhatiro mo ofising ya Khomisenara, Tona o ka thapa Motlatsakhomisenara go tshwara marapo nakwana jaaka Khomisenara ka nako e Khomisenara a seng teng kgotsa go fithela go thapiwa Khomisenara.

(6) Motho a ka se thapiwe, kgotsa go nna go nna mo tirong jaaka, Khomisenara kgotsa Motlatsakhomisenara fa motho

(a) a ileditswe; kgotsa

(b) e se moagi wa Rephaboliki ka tlhago.

(7) Fa a thapa Khomisenara kgotsa Motlatsakhomisenara, Tona le motho yo o thapilweng ba tshwanetse go dumalana, ka go kwala, ka—

(a) ditekanyetsotiro tse di tshwanetseng go diriswa go lekanyetsa tiro ya motho yoo; le

(b) boemo jwa tiro jo bo tshwanetseng go fithelelwa kgatlhanong le ditekanyetsotseo.

# Botsayakarolo jwa Khomisenara le Batlatsakhominenara