Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 69

Section 69

In force date not confirmed

69. (1) Khomisenara, Motlatsakhomisenara mongwe le mongwe le leloko lengwe le lengwe la komititlaleletso ya Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete e e tlhomilweng jaaka go kailwe mo karolong 51(1)(a)(ii) ya Public Finance Management Act kgotsa karolo 68 ya Molao ono ba tshwanetse go—

(a) dira ka botshepegi mo mererong yothe e e amanang le Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete; le

(b) dira ditiro tse ba di thapetsweng jaaka maloko—

(i) a a tshepagalang;

(ii) a maitlhomo a a siameng; le

(iii) a tlhokomelo e e kwa godimo le matsetseleko tse motho yo o mo maemong ao a ka di diragatsang.

(2) Motho yo kaiwang kgotsa yo o kailweng mo karolotlaleletsong (1) ga a tshwanela go dirisa maemo, kgotsa tshedimosetso nngwe le nngwe e a e fitheletseng ka ntlha ya maemo, go—

(a) una molemo ka boena kgotsa go dira motho yo mongwe a une molemo ka tsela e e sa siamang;

(b) go kgoreletsa Bothati jwa Tlhokomelo go dira tiro ya jona; kgotsa

(c) thatafaletsa motho yo mongwe.

(3) Mabapi le maitlhomo a karolo eno, “kunomolemo” le “thatafaletso” ga di a lekanyetswa go kunomolemo ya ditshelete kgotsa thatafaletsso ya ditshelete.

## Leano la bolaodi