Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 73

Section 73

In force date not confirmed

73. (1) Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete bo ka, go tsamaelana le molao o o maleba— 5

(a) mabapi le tiro ya Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete—

(i) thapa batho jaaka badiri;

(ii) tsena mo thulaganyong ya kadimisano; kgotsa

(iii) rerisana le batho ka ga konteraka fela e seng jaaka bathapiwa;

(b) tsena mo dikonterakeng; 10

(c) fitlhelela le go fetisa thoto;

(d) inšora kgatlhanong le tatlhegelo, tshenyego, dikotsi kgotsa molato e bo ka e itemogelang kgotsa ya nna ka fa tlase ga yona; le

(e) dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go dira ditiro tsa jona.

(2) Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete bo ka se tsene mo thulaganyong 15 ya kadimisano mabapi le motho, kgotsa go rerisana le batho jaaka bathapiwa kgotsa mo konterakeng, fa fela motho yoo le Bothati ba dumalane ka go kwala ka—

(a) ditekanyetsotiro tse di tshwanetseng go diriswa go tlhatlhoba tiro ya motho yoo; le

(b) boemo jwa tiro jo bo tshwanetseng go fitlhelela wa kgatlhanong le ditekanyetso 20 tseo.

## Ditiro tsa maloko a badirimmogo