Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 77

Section 77

In force date not confirmed

77. (1) Balaodi ba lephata la ditshelete le Banka ya Resefe, ba tshwanetse, ka bonako jo bo kgonagalang fela e seng morago ga dikgwedi tse thataro tsa go tsenngwa tirisong ga Kgaolo eno, go dira memorantamo wa tumalano o le esi kgotsa go feta go diragatsa ditlamego tsa bona go ya ka karolo 76.

(2) Tholelo ya thata kgotsa tiro ke molaodi wa lephata la ditshelete go molaodi yo mongwe wa lephata la ditshelete go tshwanetse go tsenngwa tirisong ka memorantamo wa tumalano o o dirilweng go ya ka karolo eno.

(3) Kamogelesego ya kgato nngwe le nngwe e e tserweng ke molaodi, Banka ya Resefe kgotsa Mmusisi go ya ka molao wa lephata la ditshelete kgotsa Molao wa Bosetshaba wa Sekoloto le Financial Intelligence Centre Act ga e angwe ke go palelwa ke go ikamanya le karolo eno kgotsa memorantamo wa tumalano go ya ka karolo eno.

(4) Balaodi ba lephata la ditshelete le Banka ya Resefe ba tshwanetse go thadisa memorantamo wa tumalano bonnye gangwe mo dingwageng dingwe le dingwe tse tharo le go o tlhabolola jaaka go tshwanetse.

(5) Balaodi ba lephata la ditshelete le Banka ya Resefe ba tshwanetse go tlamela Tona le maloko a Kabinete a a tsamaisang Molao wa Bosetshaba wa Sekoloto ka kgatiso ya memorantamo wa tumalano mongwe le mongwe o o dirilweng go ya ka karolo eno, le tlhabololo nngwe le nngwe ya memorantamo oo wa tumalano.

(6) Balaodi ba lephata la ditshelete le Banka ya Resefe ba tshwanetse go phasalatsa memorantamo mongwe le mongwe wa tumalano o ba o dirileng le tlhabololo nngwe le nngwe ya ona.

## Maphata a mangwe a puso

78. (1) Lephata la puso le le nang le tiro ya bolaodi kgotsa botlhokomedi mabapi le ditheo tsa ditshelete le tshwanetse, ka mokgwa o o kgonagalang, go rerisana le balaodi ba lephata la ditshelete mabapi le go dira tiro eo.

This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za

<!-- page: 104 -->

No. 41060

GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017

Act No. 9 of 2017

Financial Sector Regulation Act, 2017

104

(2) A financial sector regulator or the Reserve Bank may, in writing, request an organ of state referred to in subsection (1) to provide information about any action that the organ of state has taken or proposes to take in relation to a financial institution specified in the request.

(3) The organ of state must comply with a request in terms of subsection (2), but this subsection does not require or permit an organ of state to do something that contravenes a law.

## Part 2

## Financial System Council of Regulators

## Financial System Council of Regulators 10