Statutes section 81
Section 81
In force date not confirmed
81. (1) The Financial System Council of Regulators must establish working groups or 45 subcommittees in respect of the following matters:
(a) Enforcement and financial crime;
(b) financial stability and resolution;
(c) policy and legislation;
(d) standard-setting; 50
(e) financial sector outcomes;
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za
<!-- page: 105 -->
GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
No. 41060 105
Molao wa Taolo ya Lephata la Ditshelete, 2017
Nmr 9 ya 2017
105
(2) Molaodi wa lephata la ditshelete kgotsa Banka ya Resefe o ka, ka go kwala, kopa lephata la puso le le kailweng mo karolotlaleletsong (1) go neelana ka tshedimosetso ka ga kgato nngwe le nngwe e e tserweng ke lephata la puso kgotsa e le tshitsinyang go ka e tsaya mabapi le setheo sa ditshelete se se tsepamisitsweng mo kopong.
(3) Lephata la puso le tshwanetse go ikamanya le kopo go ya ka karolotlaleletso (2), mme karolotlaleletso eno ga e tlhoke kgotsa neye tetla lephata la puso go dira sengwe se se kgatlhanong le molao.
Karolo 2
Khansele ya Balaodi ba Thulaganyo ya Ditshelete
Khansele ya Balaodi ba Thulaganyo ya Ditshelete 10
79. (1) Khansele ya Balaodi ba Thulaganyo ya Ditshelete e a tlhongwa.
(2) Maikaelelo a Khansele ya Balaodi ba Thulaganyo ya Ditshelete ke go nolofatsa tirisanommogo le kopano, le, mo go tlhokegang, tlhomamo ya tiro, magareng ga ditheo tse di emetsweng mo Khanseleng ya Balaodi ba Thulaganyo ya Ditshelete ka go abelana ka foramo ya baemedi ba bagolo ba ditheo tseo go buisana, le go itshedimosa ka, merero 15 ya kgatlhego e tshwanang.
(3) Khansele ya Balaodi ba Thulaganyo ya Ditshelete e tshwanetse go nna le maloko a a latelang:
(a) Mokaedikakaretso;
(b) Mokaedikakaretso wa Lefapha la Kgwebisano le Madirelo; 20
(c) Mokaedikakaretso wa Lefapha la Boitekanelo;
(d) Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga;
(e) Khomisenara;
(f) Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga wa Bolaodi jwa Bosetshaba jwa Sekoloto; 25
(g) Mokwadisi wa Dikema tsa Kalafi;
(h) Mokaedi wa Senthara ya Botlhodi jwa Ditshelete;
(i) Khomisenara wa Khomisen e ya Bosetshaba ya Badirisi;
(j) Khomisenara wa Khomisen e ya Kgaisano;
(k) Motlatsammusisi yo o rweleng maikarabelo a merero ya tlhomamo ya 30 ditshelete; le
(l) tlhogo, ka mokgwa o e tlhalositsweng, ya lephata lengwe le lengwe la puso kgotsa mokgatlho mongwe o Tona a ka o tlhomamisang.
Dikopano