Statutes section 83
Section 83
In force date not confirmed
83. (1) Khansele ya Ditona ya Lephata la Ditshelete e a tlhongwa.
(2) Maikaelelo a Khansele ya Ditona ya Lephata la Ditshelete ke go nolofatsa tirisanommogo le kopano magareng ga maloko a Kabinete a a tsamaisang molao o o maleba go taolo le tlhokomelo ya lephata la ditshelete ka go tlamela ka foramo ya dipuisano le tshekatsheko ya merero ya kgatlhegelo e e tshwanang.
(3) Maloko a Khansele ya Ditona ya Lefapha la Ditshelete ke—
(a) Tona;
(b) maloko a Kabinete a a rwalang maikarabelo a tshireletso ya badirisi le merero ya sekoloto sa badirisi;
(c) leloko la Kabinete le le rwalang maikarabelo a boitekanelo; le
(d) leloko la Kabinete le le rwalang maikarabelo a tlhabololo ya ikonomi. 30
## Dikopano
84. (1) Dikopano tsa Khansele ya Ditona ya Lefapha la Ditshelete di diragala ka dinako le kwa mafelong a a tlhomamisitsweng ke Tona.
(2) Tona, kgotsa leloko le lengwe la Kabinete le le tlhophilweng ke Tona, le okamela dikopanotsa Khansele ya Ditona.
(3) Tona o tshwanetse go bitsa kopano ka kopo ya leloko la Khansele ya Ditona.
(4) Leloko la Khansele ya Ditona le ka tlhopha Motlatsamoporesidente go dira jaaka morefosani go leloko kwa kopanong e e rileng ya Khansele ya Ditona.
(5) Tona o ka laletsa leloko lengwe le lengwe la Kabinete leo e seng leloko la Khansele ya Ditona go tla kopanong ya Khansele ya Ditona.
(6) Dikopano tsa Khansele ya Ditona di tshwarwa go tsamaelana le ditsamaiso tse di tlhomamisitsweng ke yona.
## Tshireletso ya barekedi ba ditshelete go ya ka melao ya lephata la ditshelete, Molao wa Bosetshaba wa Sekoloto le Molao wa Tshireletso ya Badirisi
85. (1) Maloko a Kabinete a a rwalang maikarabelo a merero ya tshireletso ya badirisi le sekoloto sa badirisi a ka kopa Khansele ya Ditona go sekaseka fa ka gongwe kabelo e e maleba mo molaong wa lephata la ditshelete, kgotsa mo molaong o o tshitsintsweng wa lephata la ditshelete, Molawana kgotsa sediriso sa taolo, se tlamela kgotsa se tla tlamela ka maemo a tshireletso go barekedi ba ditshelete a a lekanang, kgotsa a a fetang, tshireletso e ba e tlametsweng go ya ka Molao wa Bosetshaba wa Sekoloto kgotsa Molao wa Tshireletso ya Badirisi.
(2) Khansele ya Ditona
(a) e tshwanetse go ikamanya le kopo; le
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za
<!-- page: 108 -->
No. 41060
GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
Act No. 9 of 2017
Financial Sector Regulation Act, 2017
108
(b) may, if it considers that the provision does not provide for such a standard of protection for financial customers, make recommendations to amend the provision, or to take other lawful and appropriate action, to ensure that the protection is at least equivalent.
## Independent evaluation of effectiveness of co-operation and collaboration
5