Statutes section 95
Section 95
In force date not confirmed
95. (1) Bolaodi jwa lephata la ditshelete bo ka, ka kitsiso go motho wa kamano yo bolaodi bo dirileng tshwetso ka ena go ya ka molao wa lephata la ditshelete (kgotsa, fa batho bao ba feta bongwe, botlhe), gogela morago tshwetso fa—
(a) tshwetso e dirilwe ka ntlha ya tsietso kgotsa e seng ka molao;
(b) tshedimosetso e tshwetso e dirilweng ka yona e ne e sa nepagala kgotsa e sa felela e bile bolaodi jwa lephata la ditshelete bo ne bo ka se dire tshwetso fa bo ne bo na le tshedimosetso e e nepagetseng e bile e feletse; kgotsa
(c) tshwetso e, ka lebaka lengwe, sa amogelesege.
(2) Kgogelomorago ya tshwetso go ya ka karolotlaleletso (1) e tsena mo tirisong go simolola ka letlha le tshwetso e e gogetsweng morago ka lona.
(3) Molaodi wa lephata la ditshelete o ka se tseye kgato go ya ka karolotlaleletso (1)—
(a) fa kgato e ka ama bobe ditshwanelo tse di leng teng kgotsa tse di bonweng tsa motho mongwe le mongwe (ntle le motho yo molaodi a dirileng tshwetso mabapi le ena); kgotsa
(b) fa
(i) bolaodi jwa lephata la ditshelete bo itsisitswe gore kopo go Lekgotla kgotsa kgotlatshekelo mabapi le tshwetso e tla dirwa; kgotsa
(ii) ditsamaiso di simolotse kwa Lekgotleng kgotsa kgotlatshekelong mabapi le tshwetso.
(4) Pele bolaodi jwa lephata la ditshelete bo tsaya kgato go ya ka karolotlaleletso (1), bo tshwanetse go—
(a) itsise ka ga maikaelelo a jona a go dira jalo go motho yo tshwetso e dirilweng mabapi le ena; le
(b) naya motho sebaka se se lekaneng, sa bonnye matsatsi a le 14, go dira ditlhagiso kwa bolaoding.
(5) Mo go tlhomamiseng gore kgato e tsewe go ya ka karolotlaleletso (1), bolaodi jwa lephata la ditshelete bo tshwanetse go tsaya tsia ditlhagiso tsotlhe tse di amogetsweng ka nako e e kailweng mo karolotlaleletsong (4)(b).
## Tthaloso
96. Mo Karolong eno “molaodi wa lephata la ditshelete” o akaretsa Khansele ya Ombud.
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za
<!-- page: 114 -->
No. 41060
GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
Act No. 9 of 2017
Financial Sector Regulation Act, 2017
114
## CHAPTER 7
## REGULATORY INSTRUMENTS
### Part 1
#### Regulatory instruments
**Interpretation**
5